Ditiragalo tsa kgolo ya lefatshe la Zimbabwe mo selekanyong sa ngwaga wa 1970 go ya ko go wa 2010.Tautona wa lefatshe la Zimbabwe fa ane a le kwa moletlong wa boipuso jwa lefatshe la South Sudan, kgwedi ya Seetebosigo ka ngwaga wa 2011.
Moalo wa lefatshe yo o supang selekanyo sa dijo tsa lefatshe la Zimbabwe
Kgaolo e e sale go nna batho ba lotso lwaSan kwa go yone, ga tloga ga nna batho-bantsho dingwaga di ka nna dikete tse pedi tse di fetileng. Ka century ya bo lesome le motso, batho ba lotso lwaShona ba ne ba aga toropokgolo yaGreat Zimbabwe, e e neng ya nna nngwe ya dikgaolo tse dikgolo tsa thekiso mo Aforika ka century ya bo lesome le boraro.[15] Go tswa foo, go ne ga simololwaKingdom of Zimbabwe, e salwa morago ke magosi aMutapa leRozvi. Kompone yaBritish South Africa ya gaCecil Rhodes e ne ya fudugela kwaRhodesia ka 1890 fa ba sena go fenyaMashonaland, morago ba fenyaMatebeleland ka ngwaga wa 1893 morago gantwa ya ntlha ya BaNdebele.
Robert Mugabe o ne a nna tonakgolo wa kwa Zimbabwe ka ngwaga wa 1980 fa phathi ya gagwe ya sepolotiki yaZANU-PF e ne e fenya ditlhopho morago ga go fedisiwa ga kgatelelo ya batho bantsho ke batho basweu, mme fa e sale jalo phathi e ke yone e e laolang. O ne a nna tautona wa lefatshe la Zimbabwe go tswa ka ngwaga wa 1987 morago ga go fetolela tsamaiso ya palamente go nan ya tautona, go fitlhelela a tlogela tiro ka ngwaga wa 2017. Mo pusong ya kgokgontsho ya ga Mugabe, maphata a tshireletso sechaba a ne a laola lefatshe ebile a ikgatholosa ditshwanelo tsa batho, selo se se neng sa kgalwa thata mo lefatsheng ka bophara.[16] Go tswa ka ngwaga wa 1997 go tsena ka wa 2008, itsholelo e ne ya wela tlase ka bonya, mme morago ya phutlhama, le fa morago ga foo e ne ya gola go sena go dirisiwa ledi le sele kwa ntle gadolara ya Zimbabwe. Ka ngwaga wa 2017, morago ga ngwaga wa dipopelelo tse di supang go ngongoregela puso ya gagwe le itsholelo e e welang tlase, go menola puso go ne ga baka gore Mugabe a ithole marapo. Fa e sale jalo ga busa tautonaEmmerson Mnangagwa e le ene tautona wa Zimbabwe.
Leina "Zimbabwe" le tswa mo lefokong la puo ya SeShona le le rayang Great Zimbabwe, toropo ya bogologolo (Masvingo) e e kwa borwa-botlhaba jwa lefatshe le. Megopolo e le mebedi e bua ka ditso tsa lefoko le. Metswedi e le mentsi e supa fa Zimbabwe a tswa modzimba-dza-mabwe, le ranotswe go tswa mo puong ya Karanga go raya "matlo a maje".[17][18][19]Batho ba ba buang Karanga ba lotso lwa Shona ba nna mo tikologong ya Great Zimbabwe kwa e leng Masvingo gompieno.
Flag of Zimbabwe
Folaga
Coat of arms of Zimbabwe
Sekano sa setshaba
Mošate
and largest cityHarare
Merafe ya Batho
(2012 census[4])
99.38% African (mainly Shona and Ndebele)0.22% European0.18% Coloured0.08% Asian0.02% other
0.01% not stated
Sedumedi
84.1% Christianity
69.2% Protestantism14.9% other Christian10.2% no religion4.5% traditional faiths
↑"Developments in English".International Association of University Professors of English Conference. Cambridge University Press. 31 October 2014.ISBN9781107038509– via Google Books.