Hampshire College( Bachelor of Arts|BA)Yale University (Master of Fine Arts|MFA]])
Tiro
Actress
Dingwagatsa a le mo tirong
2005–present
Batsadi(s)
Peter Anyang' Nyong'o
Lupita Amondi Nyong'o o tshotswe ka ngwaga wa 1983 ka kgwedi ya Mopitlo e tlhola gangwe. Ke modiragatsi o o tlhakantseng ditso tsaMexican le moKenya. O amogetse dikgele di le dintsi di akaretsa yaAcademy Award le yaDaytime Emmy Award, a nna le sebaka sa go phadisanelaTony award leGolden Globe Award.
Lupita ke ngwaga wa mopolotiki wa kwa Kenya;Peter Anyang'Nyong'o, o tsholetswe kwa toropong yaMexico, kwa rragwe a neng a ruta teng, o godiseditswe kwa Kenya go simolola fa a le dingwaga di le tharo. O tsene sekolo se segolwane kwaUnited States, a aloga mo go tsa bodiragatsi le filimi kwaHampshire College. O ne a simolola tiro ya gagwe kwaHollywood e le mothusi mo lephateng la go simolodisa difilimi. Ka ngwaga wa 2008, o ne a diragatsa e le lantlha mo filiming e khutshwane yaEast River, mme a boela kwa Kenya go diragatsa mo thulaganyong yaShuga go tswa ka ngwaga wa 2009 go tsena ka 2012. O ne a ya go tsweledisa dithuto tsa masters mo go tsa bodiragatsi kwaYale School of Drama. Morago ga go aloga, o ne a tlhagelela mo filiming ya gaSteve McQueen e le moanelwaPatsey, ya12 Years a Slave ya ngwaga wa 2013, e a e amogeletseng kgothatso le seetsele sa Academy Award sa go nna modiragatsi wa mme o o thusang o o gaisitseng.
Nyong'o tshamekile e le lantlha mo metshamekong yaBroadway e le ngwana wa lesiela mo motshamekong waEclipsed wa ngwaga wa 2015, o ne a tlhopiwa go phadisanela seetsele sa Tony Award sa modiragatsi wa mme o o gaisitseng mo motshamekong. O ne a tswelela a ya go diragatsa e leMaz Kanata moStar Wars go tswa ka 2015 go tsena ka 2019, a boa gape a diragatsa e le lentswe la gaRaksha moThe Jungle Book ya ngwaga wa 2016. Tiro ya ga Nyong'o e ne ya tswelela ka go tshamekaNakia mo filiming yaBlack panther ya ngwaga wa 2018 le wa 2022, a nna moanelwamogolo mo filiming ya gaJordan Peele yaUs ka ngwaga wa 2019.
Kwa ntle ga go diragatsa, Nyong'o o eme nokeng go somarela ditso. Lentswe la gagwe le a utlwala mo go kganeleng go dirisiwa botlhaswa mo tlhakanelong dikobo, a berekela ditshwanelo tsa bomme le diphologolo. Ka ngwaga wa 2014, o ne a bidiwa mosadi o montle go gaisa bomme botlhe ke ba makasine waPeople. Ka ngwaga wa 2019, Nyong'o o ne a kwala buka ya bana e bidiwaSulwe, e e neng ya rekisa thata go ya ka baNew York Times. O tlhophilwe gape go phadisanela dietsele tsaPrimetime Emmy e le mmoledi o o gaisitseng mo dikgaolong tse pedi tsa thulaganyo yaSerengeti. Ka ngwaga wa 2020, Nyong'o o ne a nna mongwe wa bomme ba le masome a matlhano moAforika ba ba nang le tlhotlheletso e ekwa godimo ke baForbes.
Lupita Amondi Nyong'o o tshotswe ka ngwaga wa 1983, Mopitlo a tlhola gangwe kwa toropong ya Mexico,[1][2][3][4] a tsalwa ke batsadi ba kwa Kenya, Dorothy Ogada Buyu[5][6] le Peter Anyang' Nyong'o, morutuntshi wa kwa sekolong se segolwane. Lolwapa lo ne lwa tswa kwa kenya ka ngwaga wa 1980 ka ntlha ya diphuduego le kgatelelo ya sepolotiki. Mogolowe Peter ebongCharles Nyong'o o ne a nyelela morago ga go latlhiwa mo sekepeng ka ngwaga wa 1980.[7]
Nyong'o o na le boagedi mo mafatsheng a mabedi, kwaKenya le kwaMexico, mme o itshupa e le motho wa ditso tseo tsotlhe ka bobedi.[8][9] Lolwapa lwa ga mmagwe le lwa ga rragwe otlhe ka bobedi a na le medi kwa bathong ba morafe waLuo, ke ngwana wa bobedi mo baneng ba le barataro.[10] Ke ngwao ya batho ba Luo go bitsa ngwana leina morago ga ditiragalo tsa letsatsi leo, ka jalo batsadi ba gagwe ba ne ba mo fa leina la puo yaSpanish ebong Lupita.[11] Rragwe o kile a nna tona wa tsa botsogo ka puso ya kwa Kenya, mme morago a nna mokaedi kwa toropong yaKisumu kwa Kenya.[12] Ka nako ya fa Nyong'o a belegwa, rragwe e ne e le morutuntshi o o etileng wa maranyane a polotiki kwaEl Colegio de Mexico kwa toropong ya Mexico.[10][13]
Lolwapa lo ne lwa boela kwa Kenya fa Nyong'o a ise a nne le ngwaga,[11][14]morago ga gore rragwe a hiriwe e le morutuntshi kwaUniversity of Nairobi.[10] O goletse kwaNairobi, mo lolwapeng lwa bodiragatsi, o tlhalosa kgodiso ya gagwe e le ya maemo a a fa gare.[13] Bokopano jwa ba lolwapa gantsi bo ne bo akaretsa bana ba diragatsa, le maeto a go bona metshameko.[15] O tsene sekolo saRusinga International School kwa Kenya, mme a diragatsa mo metshamekong ya sekolo.[5]