Durban, e e itsegeng ka leina laeThekwini go tswa mo lefokong la seZulu laitheku le le rayang letsha kgotsa lekadiba, ke toropo ya boraro ka bontsi jwa palo ya batho kwaAforika Borwa, e sala moragoJohannesburg leCape Town, ke yone toropo e tona go fetisa kwa kgaolong yaKwaZulu-Natal. E kwa lotshitshing lo lo kwa botlhaba jwa lefatshe laSouth Africa, mo letsheng la Natal lalewatle la Indian. Durban ke toropo e e tlhanaselang thata go gaisa tsotlhe tse di mo sub-Saharan Africa, pele e ne e bidiwa Port Natal. Kwa bokone jwa maemelo a dikepe le legare la toropo ke molapo waUmgeni, legare la toropo le pagamela dithaba tsa Berea kwa bophirima; fa kwa borwa mo lotshitshing e le the Bluff. Toropo ya Durban ke yone e tshwereng setilo sa mmasepala waeThekwini Metropolitan e e leng bophara jwa dikilomithara di le dikete tse pedi, makgolo a matlhano, masome a matlhano le borataro, mme e na le batho ba le dimilione di le nne le dikete tse pedi fa e sale ka ngwaga wa 2022,[5] se se dira gore lefelo le e nne lengwe la mafelo a magolo ka dipalo tsa batho mo lewatleng la Indian moAforika. Palo ya batho kwa Durban ka ngwaga wa 2011 e ne e le dikete di le makgolo a matlhano, masome a ferabongwe, botlhano le masome a marataro le bongwe.[6] Toropo e e bothito ebile e le bongola, mme e nna mogote ka selemo, e nne mololo e omeletse ka mariga.[7]
Bosupi jwa baithutamarope go tswa kwa dithabeng tsaDrankensberg di supa fa lefelo le le ne le nna batsumi-bakgobokanyi dingwaga tse di fetileng. Morago ga goroga batho bantsho ba ba itsege ka Nguni. Ka malatsi a go tsalwa ga ga Keresete ka ngwaga wa 1497,Vasco da Gama o ne a bona lotshitshi mme a lo bitsa Natal, lefoko la se Potokisi le le rayang botalo jwa ga Keresete. Ka ngwaga wa 1824, bagwebi ba makgowa go tswa kwaCape Colony, ba eteletswe pele keFrancis Farewell leHenry Fynn, ba ne ba tlhoma marekisitso kwa Port Natal, mme moragonyana mo ngwageng eo, kgosi ya ma Zulu ebongShaka a ba fa lefatshe gautshwane le letsha. Ka ngwaga wa 1835, lefelo leo le ne la reelelwa kaSir Benjamin D'Urban o neng e le molaodi wa kwa Cape Colony. Go tswa ka ngwaga ya 1860 go ya ko pele, badiri ba go neng go dumalanwe ka bone ba ne simolola go goroga go tswaBritish India. Kolone ya Natal e e neng e setse e godile, e ne ya nna kgaolo ya Union of South Africa ka ngwaga wa 1910, mme Durban ya tlhomiwa toropokgolo ka ngwaga wa 1935.[8]
Toropo ya Durban e na le mefuta e e farologaneng ya ditso tsa batho, bontsi e lemaZulu, ba lotso lwaIndia, Batho basweu le ba ba tlhakantseng ditso. Pele lefelo le le ne le tlwaelesegile ka bojanala ka ntlha ya lotshitshi lwa lewatle le seemo sa bosa se se bothitho,[9] mme mo dingwageng tse di fetileng bojanala bo ile kwa tlase.[10][11] Mangwe a mafelo a a itsegeng thata keGolden Mile,Botanic Gardens, lefelo la bodiragatsi, botaki le polokelo ya ditso kwaCity Hall,Ushaka Marine Worlds leInternational convention Centre. Go tswa ka ngwaga wa 2018, lefelo le bone dipoelo tse di dirang 59.9% mo kgaolong le 9.6% mo lefatsheng ka bophara; makgamu a a nang le dipoelo tse dintsi e le a tsa madi, ditirelo tsa setshaba, madirelo, bogwebi, dipalamo le bojanala.[12] Toropo ya Durban e ne e le nngwe ya tse di neng di tshegeditse metshameko ya kgwele ya dinao ya mafatshefatshe ka ngwaga wa 2010, kwa go neng ga agiwa lobala lwa metshameko lwaMoses Mabhida Stadium.[13]
Dipatlisiso tsa baithutamarope go tswa kwa dithabeng tsa Drankensberg di supa fa batsumi-bakgobokanyi ba sale ba thibelela kwa Durban dingwaga di le dikete di le lekgolo. Batho ba o ba ntse mo kgaolong ya KwaZulu-Natal go fitlhelela go nna le phudugo e ntsi ya batho-bantsho. Ditso di fetisitswe ka molomo go tswa mo kokomangng e nngwe go tsena mo go e nngwe ke ba lotso lwa maZulu, ba ba nnileng koo pele ga puso ya Yuropa, mme ga gona ditso dipe tse di neng di kwadilwe tsa kgaolo eo go fitlhelela e bonwa ke motlhtlhomisi wa moPotokisi e bong Vasco da Gama, o o neng a tsamaya ka sekepe kwa lotshitshing lwa KwaZulu-Natal kwa Christmastide ka ngwaga wa 1497 fa a ne a batla tsela e e tswang kwa Europe e ya India. O ne a fa kgaolo e leina la Natal, le le rayang matsalo a ga Keresete ka sepotokisi.[14]